Mark 4

Setshwantsho ka mojadi

1Mme boidiidi jwa batho jo bo senang palo jwa mo dikaganyetsa mo lotshitshing fa a ntse a ruta, hong a tsena mo mokorong a nna fa fatshe a bua a le mo teng ga one. 2Mokgwa wa gagwe wa gale wa go ruta e ne e le go bolelela batho dipolelo. Nngwe ya tsone e tsamaile jaana:

3“Reetsang! Molemi o kile a ikaelela go jala peo. Mme ya re a e gasa mo tshimong ya gagwe, 4nngwe ya yone ya wela mo tseleng, mme dinonyane tsa tla tsa e sela tsa e e ja. 5
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 4:6.
6
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 4:5-6.
Nngwe ya yone ya wela mo mmung o mosesane fa go neng go ikadile lefika teng. Ya gola ka bonako, mme ya akofa ya swabisiwa ke mogote wa letsatsi ya a swa, ka ntlha ya gore medi ya yone e ne e sa otlega sentle mo mmung o o seng boteng.
7Tse dingwe dipeo tsa wela mo mitlweng, mme mitlwa ya gola ya hupetsa dijalo tse di potlana, jalo tsa se ka tsa ungwa,

8“Mme tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa ga masome a mararo tsa ata go fetisa jaaka a ne a jetse, dingwe tsa tsone tsa ungwa ga masome a marataro kgotsa lekgolo. 9Fa lo na le ditsebe, reetsang!”

10Mme morago ga moo fa a le esi le ba ba lesome le bobedi le bangwe ba barutwa ba gagwe, ba mmotsa ba re, “Polelo ya gago e raya eng?”

11
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 4:12.
12
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 4:11-12.
Mme a ba araba a re, “Lo letleletswe go itse boammaaruri ka ga Bogosi jwa Modimo jo bo fitlhetsweng ba ba kwa ntle ga Bogosi: jaaka Moporofiti Isaia a bolela a re, ‘Le fa ba bona ebile ba utlwa ga ba kitla ba tlhaloganya, kgotsa ba sokologela mo Modimong kgotsa ba itshwarelwa dibe tsa bone.’

Tlhaloso ya Setshwantsho sa mojadi

13“Mme fa lo se ka ke lwa tlhaloganya setshwantsho se se motlhofo se, lo tlaa dira jang kaga tse dingwe tse ke yang go di bolela. 14Molemi yo ke neng ke bua ka ga gagwe ke mongwe yo o lereditseng batho molaetsa wa Modimo, a leka go jala peo e e siameng mo matshelong a bone. 15Tsela e e thata, fa go wetseng peo nngwe teng e tshwantshiwa le bopelo-e-thata jwa batho bangwe ba ba utlwang lefoko la Modimo; mme e re ka bofefo Satane a tle a leke go ba lebatsa lefoko. 16Mme mmu o o lokgwarapana o tshwantshiwa le dipelo tsa batho ba ba utlwang molaetsa ka boitumelo, 17mme jaaka ditlhatshana tse di mo mmung o o ntseng jalo, medi ya tsone ga e tsenelele mo teng, le fa, lwa ntlha di gola sentle, ere ka bonako fa matshwenyego a simologa di korobele.

18“Mmu o o mitlwa ke sesupo sa dipelo tsa batho ba ba reetsang Mafoko a a Molemo ba bo ba a amogela, 19mme ka bofefo dithato tsa lefatshe le menate ya mahumo le go batla go tswelela pele le go eletsa dilo tse dintle go tsene ka bofefo mme go kgoreletse molaetsa wa Modimo mo dipelong tsa bone mme go seke go nne loungo lope.

20“Mme mmu o o molemo o tshwantshiwa le dipelo tsa batho ba ba amogelang molaetsa wa Modimo ka boammaaruri, mme ba ungwele Modimo thobo e ntsi thata, ba ungwe ga masome a mararo le ga masome a le marataro le ga lekgolo tota go gaisa jaaka go jetswe mo dipelong tsa bone.”

Setshwantsho sa lobone le sa peo

21Hong a ba botsa a re, “Fa mongwe a tshuba lobone, a o lo baya ka fa tlase ga tafole gore lo fitlhe lesedi? Go ka se nne jalo! Lesedi ga le ka ke la bonwa kgotsa la dirisiwa. Lobone lo siametse go bewa mo setlhomong go bonesa le go nna le mosola. 22Gonne sengwe le sengwe se se fitlhegileng letsatsi lengwe se tlaa nna mo leseding. 23Fa lo na le ditsebe, reetsang! 24Mme gape tlhomamisang lo dirise se lo se utlwang. Gantsi fa lo dira jalo, lo tlaa kgona go tlhaloganya thata se ke se lo bolelelang. 25Mme yo o nang le sengwe o tlaa newa; mme yo o senang sepe o tlaa tseelwa le se o nang le sone tota. 26Setshwantsho sengwe ke se, se se supang gore bogosi jwa Modimo bo ntse jang: Molemi o kile a jala peo mo tshimong ya gagwe, 27mme a tsamaya, ya re malatsi a ntse a feta, dijalo tsa gola kwa ntle ga tlhokomelo ya gagwe. 28Gonne mmu o ne o godisa dijalo. La ntlha mogwang wa tswa, diako tsa tlhoga, mme morago mabele a butswa. 29Hong molemi a tla ka thipa ya gagwe a akofa a roba.” 30Mme Jesu a ba botsa a re, “Ke ka tshwantsha Bogosi jwa Modimo jang? Ke ka dirisa polelo efe go bo tshwantsha? 31
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 4:32.
32
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 4:31-32.
Bo tshwana le peo ya mosetara! Le ntswa e le nngwe ya dipeo tse di potlana, e gola e nna nngwe ya ditlhare tse di tona thata, e nne le dikala tse di telele mo dinonyane di ka agang dintlhaga tsa tsone teng mme tsa sireletsega.”

33O ne a dirisa ditshwantsho di le dintsi tse di ntseng jalo go ruta batho ka fa ba ka kgonang go tlhaloganya ka teng. 34Legale, o ne a ruta fela ka ditshwantsho fa a ruta mo pepeneneng, mme e re morago ga moo, fa a le esi le barutwa ba gagwe a simolole go ba di tlhalosetsa.

Jesu o kgalemela sefefo

35Mme ya re mo maitseboeng, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “A re tsheleleng ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.” 36Hong ba mo tsaya, ba tswelela, ba tlogela bontsi jwa batho (le fa mekoro e mengwe e ne ya ba sala morago). 37Mme ya re ka bonako matsubutsubu a magolo a phefo a tsoga. Makhubu a metse a simolola go tlolela mo mokorong go fitlhelela metse a tlala mo mokorong ebile o tloga o nwela.

38Jesu o ne a robetse kwa motsheo ga mokoro a samile mosamo. Mme ka bonako ba mo tsosa ka letshogo le legolo ba re, “Moruti, a ga o tshwenyege le fa re tloga re nwela rotlhe?”

39Hong a kgalemela phefo a raya lewatle a re, “Didimala!” Mme phefo ya didimala, ga ba ga nna tuulalo e kgolo!

40Mme a ba botsa a re, “Lo ne lo tshositswe ke eng? A le jaana ga lo ise lo bo lo inkanye?”

41Mme ba tlala poifo thata ba ipotsa ba re, “Monna yo ke mang, yo diphefo le mawatle di mo utlwang?”
Copyright information for TsnLEF